Skip to content
Re rata go bua dilo dingwe re sa rekegele gore di ka nna botlhoko mo ditsebeng kgotsa tsa tlhaba maikutlo a batho bangwe. Fa rona re siame, re bona go siame gore re dire jalo, re bua fela, re belle fela gore ga se rona re neng re dira ditiro tsa go nna jalo. Rona re babui fela, tse dingwe ga di re ame... Re lebala gore bana ba ka tsaya mafoko ao, a ka aga mo dipelong tsa bone go ya go ile, a ba a nna le ditlamorago tse di maswe fela thata. Go ka nna botoka fa re ka nna re tlhamalala ka dikgang re thule bana ba rona ka dikgang ba se ka ba di utlwa ka batsayamolelo, tsa tloga tsa nna botlha jo bo ka se emelweng ke ngwana wa ga ope. Magatwe ga a monate. Dipolelwana, maboko le metshameko ya Mmaletsatsi di supa bothakga jo bosa jwa mokwalo wa Setswana Ka go dirisa meono e e tshwanelang e bile e kgatlha thata. Lekgotla la Macmillan le go tlisetsa bommantswitswidi ba mokwalo wa Setswana.