Skip to content
PHUDUHUDU GA E TLHATLHELWE: Ee, Motswana a boletse a re monate o fela ka botlhoko. Ka jalo buka e e bua ka one maitsholo a banana, lerato le ba foufatsa matlho mo motho wa teng a tlhokang le one maitemogolo mo botshelong, a itebaditse le gore sekole se tla pele, morago a thanye lole tsebeng. Bagolo ba batla eng mo baneng? Bana le bone ba batla eng mo bogolong? Phuduhudu ga e tlhatlhelwe e go tlhalosetsa ka botlalo ka ditlamorago tsa go salasala bagolo morago ga bana. Sengwe le sengwe se na le maduo a sone fela jaaka maduo a go sa sekegeleng mafoko a motsadi tsebe e se go atlega mo botshelong. Nkabo ke kgomo ya morago. Mme One Pearl Matlapeng o tlholega kwa motsaneng wa Tlokweng mme a nna kwa Bokaa. ka nako ya fa a kwala lokwalo lo, o ne a dira mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Molefi Senior Secondary School.