Skip to content
Tshaba nngwe le nngwe e na le ngwao, e e leng ya yone matshego, a matshelo batho ba yone. Ke sone se e tlaa reng fa batho ba tlhakanela morero, a ke lenyalo, loco, kgotsa sengwe se sele ba tlhoke gore ba tlhaloganyane sentle. Batswana ke batho ba ba ratang go kgabisa bonno jwa bone. Mosadi wa Motswana a tseye taka go kgabisa lebotana, a tseye boloko a dire lekgapho le lentle, a tseye tlhatlha a loge moseme. Fa a ya go lema, Motswana o ela tlhoko gore o ya go jwala eng mo tshimong ya gagwe. A o jwala tshabatsie, segaolane kgotsa lebelebele? Bana bone ba tlaa ja letlhafula lefe? A ke magapu, mmidi, ntthe kgotsa makgomane? Nawa le yone, o tlhopha nngwe mo mefuteng e mentsi ya dinawa. Go le gantsi dilo tse tsotlhe tse, di dirwa go ntse go setswe ngwao morago. Fa go tlhokegang teng, Motswana o tlhabolola ngwao. Kana le yone e a tshela, e batla go tlhabololwa fela jaaka dilo tse dingwe. Bakwadi ba lokwalo lo, ke Batswana ba ba lemogileng fa dilo dingwe tsa rona tsa ngwao di latlhega mme ba bona go tshwanela gore ba di abele bana di ise di nyelele.